Elige una pista para reproducir
Are buisaneng ka seemo sa lefatshe la rona
Re tshwenyegile ba rotlhe ka itsholelo ya rona
Matshwenyego a kana mme a ka fetswa ke rona
Kana jang akere gatwe ke lefatshe la rona
Re senyeditswe ke batho ba thopilwe ke rona
Got me thinking gore maybe mathata ke rona
O kareng ha o ka botswa ka Botswana wa rona
O mototo kana jang o le Motswana ka rona
Itsholelo e phuthama ka teemane ya rona
Re photharetse matsogo le bokgoni jwa rona
Go ka reng re le Batswana re gweba ka borona
Ra inyatsa ke jone jo bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Ha Motswana a thinya thinya o digwa ke rona
Rona gape ke jone jo bothata jwa rona
Ga re rate go gaisiwa ke bankane ba rona
Re lefufa ke jone jo bothata jwa rona
Ha e sale re nna botho gotwe ke segarona
Re iketile ke jone jo bothata jwa rona
Sale re nyaditswe ka go nna bonolo ga rona
Ra tshaba, bothata jwa rona
Re ka thoka jang go jelwa ke mafatshe ka rona
Baagisanye ba ikagetse dikhumo ka rona
Ha e sale ba re latlhisa setswana sa rona
Ka di pina le difilmi re gana tsa rona
It doesn't sell mo Botswana ha ele e dirilwe ke rona
Are we ashamed go ikgantsha ka sone segarona
Now Last year tota gone ne ele ngwaga wa rona
Go Letsile, Zeboras le Lesego la rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Re ka gola jang re kgala dikgantshwane tsa rona
Mo Botswana ha gona celeb ke puo ya rona
Re phadisana le tsone di naledi tsa rona
Re humisitse batswakwa ka mokgwa o wa rona
Re ka kgona jang go itshetsa ka talente tsa rona
Go simolla ka go chencha mogopolo wa rona
Go ka reng ha re ka tswala di boadera tsa rona
Ra rotloetsa segarona, Ra tsholetsa ba rona
Itsholelo re e kabakanya ka ditso tsa rona
Re latlhegile ha re lebetse ngwao ya rona
Le kgokgontsho e ya bong e simolla ka rona
Everything, everything se simolla ka rona!!
Re thoka jang go tlala chakgalo hubeng tsa rona
Re huraletse Modimo dipelong tsa rona
Re ka kgona ha re itimoga gore re ba leofi
Ra ikokobetsa ra bata Modimo ka bo rona
Re huparetse botshelo jo rare ke jwa rona
Ko botswang ga re itse mme rare ke jwa rona
Re lelekile ditoro tsena tsa selefatshe
Tsa semoya re lebetse mme ke mewa ya rona
Re ka iponela botshelo Moreneng wa rona
JESO KRESTE MODIMO WABO NTATA BA RONA
Cos everything, everything se simolla ka rona
O ka reng ha o ka botswa ka Botswana wa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona
Bothata jwa rona